The Madonna of the Streets
Mary's Rosaries

Home Page

Contact Us

Make a Payment, Methods of Payment, Refund and Exchange Policies

Rosaries
subpages:

How to Pray the Rosary
subpages:

Pictures Main Page
subpages:

Curriculum
subpages:

Website Terms of Use

License Agreement

Sitemap


The Work of God's Children

Tswana Rosary Prayers
It is also known as Setswana, Chuana, Coana, Cuana, Sechuana, and Beetjuans.
This language is spoken by 1,100,000 people in Botswana and by 3,302,000 people in South Africa. There is a small numbers of speakers in Zimbabwe and Namibia.

See also The Work of God's Children page for the illustrated version of prayers in this language.

Boipolelo jwa Tumelo ya Bakeresete / The Apostles' Creed / Credo

Ke dumela mo go Modimo Rara, Mothatayotlhe, Motlhodi wa legodimo le lefatshe. Le mo go Jesu Keresete Morwa ona yo o esi, Morena wa rona.

Yo o ithwelweng ka Moya o o Boitshepo, a tsalwa ke Maria wa lekgarebe.

Yo o bogisitsweng mo nakong ya ga Pontius Pilatus; yo o bapotsweng mo sefapaanong, a swa, a fitlhwa, a fologela felong ga baswi.

Ka letsatsi la boraro o tsogile gape mo baswing. O tlhatlogetse kwa legodimong, mme o dutse ka fa letsogong le le tona la Modimo Rara, Mothatayotlhe; kwa o tla tswang teng go atlhola batshedi le baswi. Ke dumela mo go Moya o o Boitshepo.

Ke dumela Kereke ya Bokeresete e e boitshepo, e e gotlhe, kopano ya baitshepi; boitshwarelo jwa dibe, tsogo ya mmele le botshelo jo bo sa khutleng.

Rara wa rona yo o kwa legodimong / Our Father
Rara wa rona yo o kwa legodimong,
leina ja gago a le itshepisiwe,
puso ya gago a e tle,
thato ya gago a e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
O re fe gompijeno bogobe jwa rona jwa malatsi,
O re itshwarele dibe rona
jaaka le rona re itshwarela ba ba re leofetseng,
O se ka wa re isa mo thaelong,
mme O re golole mo bosuleng.
Amen.

Another version of
Rraetsho yo o kwa legodimong / Our Father

Rraetsho yo o kwa legodimong,
leina la gago a le itshepisiwe.
Bogosi jwa gago a bo tle.
Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi.
Mme o re itshwarele melato ya rona,
jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.
O se ka wa re isa mo thaelong,
mme o re golole mo go yo o bosula.
Amen.

Another version of
Rara wa rona yo o kwa legodimong / Our Father
Thapelo ya Morena
Rara wa rona yo o kwa legodimong,
leina ja gagwe a le itshepisiwe,
puso ya gago a e tle,
thato ya gago a e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
O re fe gompieno bogobe jwa rona jwa malatsi,
O re itshwarele dibe tsa rona
jaaka le rona re itshwarela ba ba re leofetseng,
O se ka wa re isa mo thaelong,
mme o re golole mo bosuleng.
Amen.

Another version of
Rra echo eo o kwa legodimoñ / Our Father
Lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ,
Leina ya gago a le itshepisiwè.
Bogosi yoa gago a bo tlè.
Go rata ga gago a go dihwè mo
lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.
Re neè gompiyeno seyō sa rona
sa letsatsi. Me u re ichwarèlè melato ea rona,
yaka le rona re ichwaretse ba ba
molato le rona.
Me a u ko u se ka ua re isa mo
thaeloñ, me u re gololè mo go eo o
boshula. Amen.

Xewani Maria / Hail Mary
Xewani Maria
Murhandziwa wa Xikwembu,
Hosi yi na wena,
u katekisiwile xikarhi ka vavasati,
ku katekisiwile na Yesu, N'wana wea wena.
Maria lowo kwetsima, Manana wa Xikwembu,
hi khongelele hina vadyohi sweswi ni
le nkarhini wa kufa ka hina.
Amen.

Dumela Maria / Hail Mary / Tumediso ya Moengele
Dumela Maria, Otletse grsia,
Morena o na le wena;
O tlhogonolo mo basading
mme go tlhogonolo loungo lwa sebopelo sa gago, Jesu.
Maria yo o boitshepo Mma Modimo,
O re rapelele, baleofi,
jaanong le ka nako ya loso lwa rona.
Amen.





Lo boneng! / Silent Night

Lo boneng! lo boneng!
Ngwana yo, o letseng
Kwa mo Betlehem, mo bojelong,
E leng kgosi mo legodimong,
O robetse jelong
O robetse jelong



Creative Commons License
The contents of this webpage are licensed under a Creative Commons Attribution 3.0 License.
Valid HTML 4.01 Transitional
(this is the bottom of page)